MOLAOTLHOMO WA KILETSO YA
DIBOMO TSE DI RIPITLANG BATHO
jaaka o tlhagisitswe ke Kopano ya Bosetšhaba jaaka karolo 75; tshobokanyo e e tlhalosang ya Molaotlhomo e e phasaladitsweng mo Kaseteng ya Mmuso No. 23744 ya di 26 Phatwe 2002 Lokwalo lwa Seesimane ke lokwalo lwa semmuso lwa Molaotlhomo
TONA YA TSHIRELETSO
MOLAOTLHOMO
Go tsenya tirisong ka semolao 'Tumalano mo Kiletsong ya Tiriso, Bobolokelo, Tlhagiso le
Phetiso ya Dibomo tse di Ripitlang batho le mo Tshenngong ya tsona ' go ya mo molaong;
go tlamelela tshenngong ya dibomo tse di ripitlang batho; go tlamelela tshekatsheko ya selegae le ya boditšhabatšhaba; go tlamelela tirisanommogo ya boditšhabatšhaba; le go tlamelela merero e e amanang natso.
LE MORORO dibomo tse di ripitlang batho di tlhama pogisego ya kgaolo e e kotsi e e bolayang le go golafatsa batho ba ba se nang molato batho ba ba se nang go iphemela ka nako ya le morago ga dithulano tsa dintwa le go thibela tsweletso ya loago ikonomi le kagolešwa.
LE MORORO dibomo tse di ripitlang batho di nnile le diphetho tse di sa tsepamiseng mo ditšhabeng tsa selegae mo Aforika le mo kgaolong ya Baagi ba Tsweletso ya Aforika e e Borwa segolo;
LE MORORO baagi ba tshwanetse go tshela mo tikologong e e babalesegileng;
LE MORORO kiletso e e gotlhe, e e ageletsang e e gaufi le tshenyo ya dibomo tse di ripitlang batho e le yona fela tharabololo go ntsha lefatshe mo pogisegong e;
LE MORORO Rephaboliki e beile morathoriamo mo thomelong ntle ya dibomo tsotlhe le go ka senya ka esi dibomo tse di ripitlang batho tsa Rephaboliki tse di bolokilweng tse di tsholetsweng mabaka a go tsweletsa le go diragatsa katiso mo temogong ya dibomo, kgololo ya dibomo, pusetso morago ya dibomo kana dithekeniki tsa tshenyo ya dibomo;
LE MORORO thuso ya selegae le ya boditšhabatšhaba le tirisanommogo di le botlhokwa go netefatsa nyeletso ya bonako ya dibomo tse di ripitlang batho mmogo le tlhokomelo, tsosoloso le kopanyo gape ya loago le ikonomi tsa batswaditlhabelo ba dibomo tse di ripitlang;
LE MORORO Rephaboliki e saenne le go siamisa Tumalano mo Kiletsong ya Tiriso,
Bobolokelo, Tlhagiso le Phetiso ya Dibomo tse di ripitlang batho le mo Tshenyong ya yona ya di
Lwetse 1997;
LE MORORO Tumalano e tlhoka Mekgatlho ya Dinaga go tsaya dikgato tsa semolao tse di maleba go thibela le go gatelela ditiro tse di ileditsweng ke Tumalano;
LE MORORO Rephaboliki e ineetse mo tiragatsang ya molao wa botho jwa boditšhabatšhaba le molao wa boditšhaba mo thulanong ya dibetsa.
KA GO RIALO GO LAOLETSWE ke Palamente ya Rephaboliki ya AforikaBorwa, jaaka go latela: ... 
THULAGANYO YA MOLAO
Dikarolo
Ditlhaloso
KGAOLO YA 1
DIDIRISIWA LE TIRAGATSO YA MOLAO,
TAOLELO YA TUMELANO GO YA MOLAONG
Didirisiwa tsa Molao
Taolelo ya Tumelano go ya molaong
Tiragatso ya naga tlaleletso ya Molao, le taolo
KGAOLO 2
KILETSO, DITLOLOMELAO LE DIKOTLHAO
Kiletso
Ditlolomolao le dikotlhao
KGAOLO 3
DITHEBOLO
Tona a ka nna a dumelela go nna le dibomo tse di ripitlang batho
Tona a ka nna a dumelela phetiso ya dibomo tse di ripitlang batho
Batlhankedi ba makgetho
Dimusiamo tsa botlhe, dimusiamo tsa sesole, bakgobokanyi tsa poraefete le bakgobokanyi ba setšhaba
Ditiro tsa sesole
KGAOLO 4
TSHENYO LE KGOLOLO YA DIBOMO TSE DI RIPITLANG BATHO
Pusetso ya dibomo tse di ripitlang batho le tatlhegelo kwa Nageng
Tshenyo ya dibomo tse di ripitlang batho e e tshwerweng mo Rephaboliking
KGAOLO 5
Tlhomo ya mosekaseki wa selegae
Maemo a a beilweng mo motlhatlhobing wa selegae
Khutliso ya tlhomo ya motlhatlhobi wa selegae
Tseno le phuruphutso ya mafelo ka thebolelo
Itemoso pele ga tseno, le twantsho kgatlhanong le tseno
Tseno le phuruphutso ya mafelo kwa ntle ga thebolelo
Ditlolomolao le dikotlhao malebana le phuruphutso ya mafelo
KGAOLO 6
DITLHATLHOBO TSA BODITŠHABATŠHABA
Maikaelelo a go bona nnete a boditšhabatšhaba mo Rephaboliking .
Setefekeiti jaaka motlhatlhobi wa boditšhabatšhaba.
Maemo a a beilweng mo motlhatlhobing wa boditšhabatšhaba.
Ditshireletso le ditshwanelo tsa ngotlego tsa batlhatlhobi ba boditšhabatšhaba.
KGAOLO 7
TIRISANOMMOGO YA BODITŠHABATŠHABA
Tirisanommogo ya boditšhabatšhaba
Tumelelo go tsaya karolo mo maikaelelong a go bona dintlha ka boditšhabatšhaba ka kwa ntle ga Rephaboliki.
KGAOLO 8
TSHEDIMOSETSO LE DIREKOTO
Go begela
Dithata go kokoanya tshedimosetso
Rekoto ya dibomo tse di ripitlang batho e e tshwerweng kana e sentswe
Ditlolomolao le dikotlhao malebana le tlamelo ya tshedimosetso.
KGAOLO 9
DITSHIAMELO KA KAKARETSO
Dikaelo tsa go katisa
Melawana
Kemedi ya dithata le kabelo ya tiro
Setlhogo se se khutshwane le tshimologo
TLHABOLOLO
Ditlhaloso
Mo Molaong o, lefoko lengwe le lengwe kana tlhaloso e kwa go yona bokao bo neilweng mo Tumalanong di rwele bokao bo bo neilweng jalo kwa go tsona fela, kwa ntle ga fa diteng tiriso di supela se sengwe-
moemedi' o kaya motho yo o thapilweng mo boemong ba Lefapha la Tshireletso kana Tirelo ya Mapodisa ya Aforika Borwa go senya dibomo tse di ripitlang batho kana go tsweletsa le go tsamaisa katiso mo temogong ya dibomo, kgololong ya dibomo le dithekeniki tsa tshenyo ya dibomo;
dibomo tse di ripitlang batho' di akaretsa dibomo dife kana dife kana tlamaganyo e e dirang ka mokgwa o o tsepameng ka dibomo tse ripitlang batho jaaka di tlhalositswe mo Tumalanong;
karolo ya dirwe' e kaya serwe sefe kana sefe se se lemotshegang se se diretsweng kana se siamiseditswe go bopa karolo ya dibomo tse di ripitlang batho;
Tumalano' e kaya Tumalano mo Kiletsong yaTiriso, Bobolokelo, Tlhagiso le
Phetiso ya Dibomo tse di ripitlang batho le mo Tshenngong ya tsona, ya di 18
Lwetse 1997, e e tlhagisitsweng mo Tlhabololong mme e saennwe ke Rephaboliki ka di 3 Sedimonthole 1997 le go siamisiwa ke Rephaboliki ka di 26 Seetebosigo batlhankedi ba makgetho' ba kaya motlhankedi jaaka a tlhalosiwa mo karolong ya Molao wa Makgetho le Lekgetho la dithoto, 1964 (Molao No. 91 wa 1964);
Lefapha la Tshireletso' le kaya Bokwaledi ba Tshireletso le Sesole sa Tshireletso sa Bosetšhaba sa Aforika Borwa jaaka se bidiwa mo karolong 4B ya Molao wa
motlhatlhobi wa selegae' o kaya motho yo o tlhomilweng jaaka motlhatlhobi wa selegae ke Tona go ya ka karolo 14;
mothapiwa wa Lefapha la Tshireletso' o kaya leloko la Sesole sa Tshireletso sa Bosetšhaba sa Aforika Borwa le le thapilweng go ya ka Molao wa Tshireletso,
(Molao No. 44 wa 1957), le mothapiwa wa Lefapha la Tshireletso yo o thapilweng go ya ka Molao wa Tirelo ya Bosetšhaba, 1994 Kgoeletso No. 103 ya seromelwantle' se kaya-
a go tsena mo tumalanong ga motho mo Rephaboliking go tlamela motho yo mongwe ka kwa ntle ga Rephaboliki ka dibomo tse di ripitlang batho, ka karolwana ya karolo kana leano, gore seo se dirwa ka thefosano ya mokgwa wa madi kana phatlho efe kana efe kana tshiamelo; kana b phetiso ya dibomo tse di ripitlang batho, karolwana ya karolo kana leano go tswa Rephaboliking, go ya lefelong lengwe le lengwe ka kwa ntle ga
Rephaboliki, kana go tlhola dibomo tse di ripitlang batho, karolwana ya karolo kana leano go fetisiwa jalo, seo se dirwa kana se sa dirwe ka thefosano ya mokgwa wa madi kana patlho efe kana efe kana tshiamelo;
seromelwateng' se kaya go tlisa dibomo tse di ripitlang batho, karolwana ya karolo kana leano mo karolong nngwe le nngwe ya Rephaboliki kana go tlhola dibomo tse di ripitlang batho, karolwana ya karolo kana leano go fetisiwa jalo, seo se dirwa kana se sa dirwe ka thefosano ya mokgwa wa madi kana phatlho e nngwe efe kana efe kana tshiamelo;
tshedimosetso' e kaya tshedimosetso nngwe le nngwe e e kwadilweng go sa kgathalesege sebopego kana sedirisiwa;
motlhatlhobi wa boditšhabatšhaba' o kaya motho yo o tlhomilweng ke
Mokwaledi Kakaretso wa Ditšhaba Kopano jaaka motlhatlhobi wa boditšhabatšhaba le yo o bopang karolo ya maikaelelo a boditšhabatšahaba go bona nnete mo Rephaboliking ;
go dira' go akaretsa thulaganyo, tsweletso, tlhagiso le kokoanyo ya dibomo tse di ripitlang batho, karolwana ya karolo kana leano;
Tona' o kaya Tona ya Tshireletso;
sethwe sa naga' se kaya sethwe sa naga jaaka setlhalosiwa mo karolong 239 ya
Molaotheo;
mokgatlho' o kaya naga efe kana efe e e saenneng le go siamisa, kana e e dumalaneng kwa Tumalanong;
motho' o na le bokao bo bo beilweng mo go ena mo Molaong wa Thanolo, 1957
Molao No. 33 wa1957 le kwa ntle ga karolo 30, o tsenyeletsa sethwe sa naga;
lefelo' malebana le dibomo tse di ripitlang batho, le kaya go dirisa, go baya, go tlhoma kana go aga dibomo tse di ripitlang batho ka tsela e e ka tlholang kana ya kgona go tlhola thunyo ka go nna teng, bogaufi kana kgolagano ya motho;
leano" le kaya leano kana moakanyetso wa bomo e e ripitlang batho kana karolwana ya karolo:
motlhankedi wa sepodisi' o kaya-
a leloko la Tirelo ya Sepodisa sa Aforika Borwa jaaka se tlhalosiwa mo karolong 1 ya Molao wa Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa, 1995 Molao No. 68 wa 1995;
b motho yo o tlhomilweng ke Tona ya Tshireletso le Pabalesego jaaka motlhankedi wa sepodisi;
c motlhankedi wa sepodisi sa sesole; kana d leloko lefe kana lefe le lengwe la Sesole sa Tshireletso sa Bosetšhaba sa
Aforika Borwa le boloditswe ka tiro e e kopanetsweng ya tshwaragano le
Tirelo ya Sepodisi ya Aforika Borwa.
go nna le sengwe' go kaya go nna le dibomo tse di ripitlang batho karolwana ya karolo kana leano ka fa tlase ga taolo ya mongwe mo lefelong ka fa tlase ga taolo ya mongwe;
mafelo' a tsenyeletsa lefatshe lefe kana lefe, moago kana kagego kana koloi efe kana efe, sekepe, sesutlhalefaufau kana mokgwa ofe kana ofe wa go tsamaisa;
tshenko' e kaya go bona dibomo tse di ripitlang batho, karolwana ya karolo kana leano ka theko, tatlhegelo, kabo, kabo ya thoto, phetiso kana thibololo;
Molao o' o tsenyeletsa molawana ofe kana ofe o o dirilweng ka fa tlase ga karolo 32;
phetiso' e tsenyeletsa -
a phetiso ya setlhogo go ya go, le taolo mo dibomong tse di ripitlng batho;
b go rekisa, go hira, go hirisa, go adimana, go adima, go aba, go neela, go rekisa, go amogela kana go kgaogana le, kana go bona go nna le dibomo tse di ripitlang batho, karolwana ya karolo kana leano; le c 'phetiso' ya dibomo tse di ripitlang batho, karolwana ya karolo kana leano go ya teng, le kwa ntle kana go ralala naga ya Rephaboliki ka mokgwa mongwe le mongwe mme sa ame phetiso ya lefatshe le le tshotseng dibomo tse di ripitlang batho tse di beilweng.
KGAOLO 1
MAIKAELELO LE TIRAGATSO YA MOLAO,
LE TAOLELO YA TUMALANO GO YA MOLAONG
a go laolela Tumalano go ya molaong jaaka go tlhokiwa ke karolo
 ya Molaotheo;
b go netefatsa gore sengwe le sengwe se se dirwang go ya ka Molao se tsamaisana le ditlamego tsa Rephaboliki go ya ka Tumalano;
c go iletsa tiriso, bobolokelo, tlhagiso, tsweletso, kamogelo le phetiso ya dibomo tse di ripitlang batho le go netefatsa tshenyo ya teng;
d go tlamela ditlhatlhobo tsa selegae le tsa boditšhabatšhaba; le e go tlamelela tirisanommogo ya boditšhabatšhaba.
Taolelo ya Tumalano mo molaong
 Go ya ka Molao, Tumalano e na le dithata tsa molao mo Rephaboliking .
Tona a ka nna a re nako le nako ka kitsiso mo Kasateng a tlhabolola Tlhabololo go bontsha diphetogo dife kana dife tse di diretsweng kwa Tumalanong fa diphetogo tseo di tlama mo Rephaboliking go ya ka karolo 231 ya Molaotheo.
Molao wa tiragatso ya tlaleletsonaga, le taolo
 Kgotlatshekelo efe kana efe ya bokgoni, e e tsenyeletsang kgotlatshekelo ya sesole jaaka e tlhalosiwa mo karolong 1 ya Molao wa Ditheo tsa Tlaleletso ya
Kgalemo ya Sesole, 1999 Molao No. 16 wa 1999, e ka nna ya re, ka tumelo e e kwadilweng ya Mokaedi wa Bosetšhaba wa Botšhotšhisi ba Setšhaba, ya leka nngwe le nngwe -
a moagi wa Aforika Borwa jaaka a bonwa mo Molaong wa Baagi wa
Aforika Borwa, 1995 (Molao No. 88 wa 1995);
b motho wa molao yo o tsentsweng kana a kwadisitsweng mo Rephaboliking , kana c motho yo o akanngwang mo karolong 3 ya Molao wa Ditheo tsa Tlaleletso tsa
Kgalemo ya Sesole, 1999 (Molao No. 16 wa 1999), motho yo e le kana e se moagi wa Aforika Borwa;
mo tlolomolaong efe kana efe go ya ka Molao o, go sa tlogelwe lebaka la gore kgato kana tlogelo e ponomolato e amanang nayo e ne ya dirwa ka kwa ntle ga Rephaboliki.
Go sa tlogelwa molao ofe kana ofe o o ganetsang, kgotlatshekelo ya magiseterata ofe kana ofe e na le taolo go fetisa kotlhao efe kana efe e e tlamelelwang go ya ka dikaelo tsa Molao o.
KGAOLO 2
KILETSO, DITLOLOMOLAO LE DIKOTLHAO
Kiletso
Go ya ka karolo 7 kana 8, ga go motho yo o ka -
a bayang, nnang, bonang, dirang, bolokelang, fetisang, dirang ka, go romelwa teng kana go romelwa ntle dibomo tse di ripitlang batho;
b ruang, bonang, dirang, bolokelang, fetisang, dirang ka, go romela teng kana go romela ntle karolo ya serwe; le c ruang, bonang, dirang, fetisang, dirang ka, dithulaganyo tsa go romela teng kana go romela ntle leano lefe kana lefe
Ditlolomelao le dikotlhao
 Motho mongwe le mongwe wa tlholego yo o tlolang tshiamelo ya karolo 5 o molato wa tlolomolao mme o tshwanelwa ke ponomolato go ya tuedisong kana go ya kgolegelong ya lobaka lo lo sa feleng dingwaga tse 25 kana go tse pedi tuediso le kgolegelo e e jalo.
Motho mongwe le mongwe yo o laolang yo o tlolang tshiamelo ya karolo 5 o molato wa tlolomolao mme o tshwanelwa ke ponomolato ya go ya tuedisong e e sa feteng R1 milione.
Kgotlhatshekelo efe kana efe e e bonang motho ofe kana ofe tlolomolato ka fa tlase ga Molao e ka re, mo tlaleletsong kwa kotlhaong efe kana efe e nngwe e e neetsweng malebana le sa tlolomolao eo go supa sebetsa sefe kana sefe , koloi, yunifomo, sedirisiwa kana thoto e nngwe kana selo malebana le se tlolomolao e neng e se diretswe kana se e neng e se diriseditswe, kana malebana le khomišene ya tlolomolao, go latlhegelwa kwa Nageng.
KGAOLO 3
DITHEBOLO
Tona a ka nna a dumelela go nna le dibomo tse di ripitlang batho
 (a) Tona a ka nna a i rebola sethwe sefe kana sefe sa naga kana mothapiwa ofe kana ofe wa sethwe se se jalo, moemedi ofe kana ofe kana motho yo mongwe go tswa kiletsong e e boletsweng mo karolong 5; le ii o dumelela sethwe se se jalo, mothapiwa, moemedi kana motho go nna le dibomo tse di ripitlang batho karolwana ya leano, ka mabaka a go tsweletsa le go dira katiso mo temogong ya dibomo, kgololong ya dibomo kana dithekeniki tsa tshenyo ya dibomo kana ya tshenyo ya tsona.
b Thebolo efe kana efe e e tshisintsweng mo temaneng a e tshwanetse go kwalwa mme e tshwanetse go neela palo ya dibomo tse di ripitlang batho tse go ka nniwang le tsona ka fa tlase ga tumalano e e fa isong.
a Palo gotlhe ya dibomo tse di ka rebolwang go nniwa le tsona ke sethwe sa naga go ya ka karolotlaleletso e ntse e ka se fete 5000.
b Fa Tona a dumelela go nna le dibomo tse di ripitlang batho ka moemedi kana motho ofe kana ofe yo mongwe jaaka e tshisintswe kwa karolotlaleletsong , o tshwanetse go fokotsa palo ya dibomo e go ka nniwang natso mo lebakeng lengwe le lengwe go ya bogolo go palo ya dibomo tse di mosola mo lebakeng la tumalano e e fa isong.
Motho ofe kana ofe yo o nang le dibomo tse di ripitlang batho go ya ka tumalano e e tshisintsweng mo karolotlaleletsong o tshwanetse go tshwara bomo e e jalo go ya ka ditshiamelo tsa Molao wa Dibomo 1956 (Molao No. 26 wa 1956).
Tona a ka nna a dumelela phetiso ya dibomo tse di ripitlang batho
Go ikaegilwe ka molao ofe kana ofe o o laolang phetiso ya, dibomo tse di ripitlang batho, karolwana ya karolo kana leano le le ka nnang la tsholwa go ya ka karolo le ka fetisiwa fela go ya le go tswa Rephaboliki ka tswelelo e e kwadilweng ya Tona.
Batlhankedi ba makgetho
Motlhankedi wa makgetho yo o tsayang bomo e e ripitlang batho go ya ka
Molao wa Makgetho le lekgetho la dithoto, 1964 (Molao No. 91 wa 1964), o tshwanetse go neelana ka bomo e e jalo kwa montlhankeding wa sepodisi mo nakong e e utlwalang.
Dimusiamo tsa setšhaba, dimusiamo tsa sesole, bakgobokanyi ba setšhaba le ba poraefete
 Go ya ka maemo afe a a tlhalositsweng ke molawana o o dirilweng ka fa tlase ga karolo 32, musiamo wa bosetšhaba, musiamo wa sesole, mokgobokanyi wa setšhaba kana wa poraefete a ka nna le bomo e e ripitlang batho kana karolo ya serwe fa -
a Tona o dumelela thuo e e jalo; le b bomo e e jalo kana karolo e le lolea la matheriale wa diripitli le didirisiwa tse di kgotletseng diripitli.
Ka maikemisetso a karolo e -
a 'musiamo wa sesole' o kaya sesole , mophato kana musiamo wa bagaka, kana tshupetso kgotsa pontsho ya tlholego ya hisitori pontsho ya setšhaba kana poraefete e e atlenegisitsweng ke Lefapha la Tshireletso.
b 'mokgobokanyi wa poraefete' o kaya motho yo o kgobokanyang ditlhobolo, ke leloko la mokgatlho wa bakgobokanyi ba ba atlenegisitsweng mme ga se mokgobokanyi wa setšhaba;
c 'mokgobokanyi wa setšhaba' o kaya motho yo o kgobokanyang ditlhobolo go bontsha kwa setšhabang le yo o atlenegisitseng jalo go ya ka Molao wa
Taolo ya
Ditlhobolo, 2000 Molao No. 60 wa 2000; le d 'musiamo wa setšhaba' o kaya setheo se se tlhalositsweng jalo mo karolong
 le ya Molao wa Setso sa Ditheo, 1998 (Molao No. 119 wa 1998).
Ditiro tsa sesole
 Lefapha la Tshireletso le ka tsaya karolo mo ditiragatsong, dikatisong kana ditirong tse dingwe tsa sesole le matsholo a a itlamileng a naga e seng mokgatlho wa Tumalano fa fela -
a ditiragatso, dikatiso kana ditiro ga di kgatlhanong le Tumalano; le b botsayakarolo ga bo lekane le thuso mo tiragatsong epe e e ilediwang ke
Tumalano.
Fa kgatako e e jalo e tlhagelela, Tona o tshwanetse go laolela khutliso ya kamego efe e e tswelelang e e mo tiragatsong, tiro kana tiro e e leng teng kana a ka tsaya kgato e e maleba e nngwe e e jalo jaaka a ka bona go tshwanela.
Matsholo a sesole a naga e nngwe a a etetseng Rephaboliking go ya ka tlamego ya boditšhabatšhaba kana tumalano magareng ga naga le Rephaboliki le maloko a matsholo a a jalo a tlamiwa ka Molao o.
KGAOLO 4
TSHENYO LE KGOLOLO YA DIBOMO TSE DI RIPITLANG BATHO
Go busediwa ga dibomo tse di ripitlang batho le tatlhegelo ya Naga
 Kwa ntle ga thebolo ya Tona jaaka e tshisintswe mo karolong 7, motho ofe yo o nang le dibomo tse di ripitlang batho kana karolo ya sethwe ka bonako pele Molao o, o diragadiwa, o tshwanetse, mo dikgweding tse thataro go tloga letlha le Molao o, o dirilweng, go itsise motlhankedi wa sepodisi yo o tlhomilweng ke
Tona ya Pabalesego le Tshireletso ka thuo e e jalo.
Mo tiragalong ya tshutiso ya tiragatso ya sesole efe ka kwa ntle ga
Rephaboliki, motho ofe yo o nang le bomo e e ripitlang batho kana karolo ya sethwe o tshwanetse go itsise motlhankedi wa sepodisi sa sesole kana motho ofe yo mongwe yo o tlhomilweng ke Tlhogo ya Matsholo a Tshireletso a Bosetšhaba a AforikaBorwa mo lebakeng le.
Motlhankedi wa sepodisi, motlhankedi wa sepodisi sa sesole kana motho yo mongwe, jaaka go ka bo go ntse, o tshwanetse go kwadisa kitsiso ka mokgwa o o tlhalositsweng ke molawana o o dirilweng ka fa tlase ga karolo 32 mme o tshwanetse go rulaganya go tsewa ga bomo kana karolo ya sethwe kwa ntle ga tiego.
Dibomo tse di ripitlang batho tsotlhe tse di tserweng go ya ka karolo e di latlhegetswe kwa Nageng.
Tshenyo ya dibomo tse di ripitlang batho tse di tshwerweng mo Rephaboliking
 Go ya ka karolo 7, Tona o tshwanetse go netefatsa tshenyo ya bobolokelo botlhe le dibomo tsa mafelo tse di ripitlang batho mo Rephaboliking .
Tshenyo ya dibomo tse di ripitlang batho di ka tsewa fela ke bothati bo bo nonofileng bo bo tlhomilweng ke Lefapha la Tshireletso kana Tirelo ya Sepodisi sa
Aforika Borwa, kemedi ya sethwe se sengwe sefe sa naga se se dumeletsweng go dira jalo ke bothati bo bo nonofileng bo bo tlhomilweng ke Lefapha la Tshireletso kana Tirelo ya Sepodisi ya Aforika Borwa.
Tshenyo efe ya dibomo tse di ripitlang batho e tshwanetse go dirwa go tsamaelana le tikologo efe e e dirang le boitekanelo ba tshupetsokgono ya ditiro le molao wa pabalesego.
KGAOLO 5
DITLHATLHOBO TSA SELEGAE
Tlhomo ya motlhatlhobi wa selegae
 Tona a ka nna, ka go kwala, a tlhoma motho yo o nonofileng jaaka motlhatlhobi wa selegae go -
a batlisisa le go diragatsa tsamaelano le Molao o, kana b thusa motlhatlhobi wa boditšhabatšhaba yo o batlisisang go sa tsamaisaneng c ga ga twe le Tumalano.
Tona o tshwanetse go neela motlhatlhobi mongwe le mongwe wa selegae setefekeiti sa tlhomo se se bontshang motlhatlhobi wa selegae ka leina, se bontsha maemo a motlhatlhobi le bothati go tsamaisa ditlhatlhobo le go baya maemo afe a a bewang godimo ga gagwe go ya ka karolo 15.
Motlhatlhobi wa selegae o tshwanetse go tsamaisana le ditaelo tsa
Tona mo go direng ditiro tsa gagwe.
Motlhatlhobi wa selegae yo o seng mo tirelong ya leruri ya Naga o tshwanetse go duelwa dituelo le ditetlo tse di jalo jaaka Tona a ka, ka thebolo ya Tona ya
Matlotlo a ka laola.
Maemo a a beilweng mo motlhatlhobing wa selegae
 Tona a ka nna a baya maemo afe mo motlhatlhobing wa selegae malebana le tiragatso ya ditiro tsa gagwe, maemo afe a a ka amanang le tshireletso -
a ya sedirisiwa se se masisi, tshedimosetso kana dikarolo;
b ya tshwanelo efe ya Theomolao; le c pabalesego ya motlhatlhobi wa selegae,
Maemo a a beilweng ka fa tlase ga karolotlaleletso 1 a ka nna a tlhoka motlhatlhobi wa selegae e seng go diragatsa maatla a a totobaditsweng fa o le mo lefelong le le tlhalositsweng.
Batlhatlhobi ba selegae ba tshwanetse go tshwarelela kwa boemong jwa pabalesego jo bo tlwaelegileng le ditlwaelo malebana le dibomo tse di ripitlang batho.
Khutliso ya tlhomo ya motlhatlhobi wa selegae
Tona a ka nna a, morago ga go neela motlhatlhobi wa selegae tšhono go dira dikemedi le go sekaseka dikemedi tse di jalo, lea mabaka a a siameng go khutlisa tlhomo ya motlhatlhobi wa selegae yo o jalo.
Tseno le patlo ya mafelo a thebolelo
 Motlhatlhobi wa selegae a patilwe ke motlhankedi wa sepodisi a ka nna a, mo bothating ba thebolelo e e ntshitsweng go ya ka karolotlaleletso le go ya ka karolo
, a tsene mo lefelong lefe le le tlhalositsweng mo thebolelong, go tsenyeletsa bonno ba poraefete, le -
a go tlhatlhoba, tshwantsha, kopisa, leka le go tlhatlhoba lokwalo lofe kana lofe, rekota, selo kana matheriale, kana go e dira gore e tlhatlhobiwe, tshwantshiwe, kopisiwe, lekiwe le tlhatlhobiwa;
b go tshwara lokwalo lofe kana lofe, rekota, selo kana matheriale fa a na le lebaka go belaela gore go ka dirisiwa jaaka bopaki mo tekong ya bosenyi;
le c go tlhatlhoba tiro nngwe le nngwe, tiragatso kana tirego e e diragalang mo lefelong.
Motlhatlhobi wa selegae yo o tlosang sengwe go tswa mo lefelong le le phuruphudiwang o tshwanetse -
a go neela raseti ya teng kwa go mong kana motho yo o laolang mafelo; le b kwa ntle le fa e le selo se se ileditsweng go ya ka Molao o, go e busetsa ka bonako jo bo kgonegang morago ga go fitlhelela lebaka la se e neng e se tloseditswe.
Mo kopong ya motlhatlhobi wa selegae yo o dirang go ya ka thebolelo e e ntshitsweng go ya ka karolotlaleletso , monni le motho ofe kana ofe yo mongwe yo o le leng teng mo lefelong o tshwanetse go -
a dira go nna teng kana go fitlhelela kana go gorosa kwa motlhatlhobing lokwalo lofe kana lofe, rekoto, selo kana matheriale o o isang le patlisisong e e tshisinngwang mo karolotlaleletsong le e e tshotseng kana ka fa tlase ga taolo ya monni kana motho yo mongwe;
c neelana ka tshedimosetso e e jalo ka a na le kgatlhego le morero o o batlisiswang;
le
Pele go bodiwa motho ofe kana ofe pitso kwa mafelong a a rileng, motlhatlhobi wa selegae kana motlhankedi wa sepodisi o tshwanetse go gakolola motho yoo ka tshwanelo go thusiwa ka nako ke mmueledi, le go letlelela motho yoo go diragatsa tshwanelo ya eo.
Thebolelo e e tshisinngwang mo karolotlaleletsong 1 e ka nna ya rebolwa ke moatlhodi kana magiseterata -
a mo kamanong le lefelo mo kana go tswa kwa go nang le lebaka go dumela gore tlolo ya Molao o e dirilwe kana e a dirwa; le b fa go lebega go tswa tshedimosetsong mo maikanong kana tiisetso gore go na le mabaka a a utlwalang go dumela gore go na le bopaki bo bo leng teng mo kana ka mafelo a a jalo ka tlolo ya Molao o.
Thebolelo e ka nna ya baya dithibelelo mo maatleng a motlhatlhobi wa selegae.
Thebolelo e e rebotsweng go ya ka karolo e -
a e sala go nna mo tirisong go fitlha -
i e diragadiwa;
ii e phimotswe ke motho yo o e rebotseng, fa motho yo o ntseng jalo a se teng , ka motho yo mongwe le yo mongwe wa bothati bo bo tshwanang;
iii go feta ga kgwedi e le nngwe go tloga letsatsing la thebolo; kana iv lebaka la go rebola thebolelo le fetile; sengwe le sengwe se se tlhagelelang pele; le b e tshwanetse go diragadiwa ka letsatsi kwa ntle ga fa motho yo o rebolang thebolelo a dumelela tiragatso e e jalo ka bosigo.
Ga go motho yo o lebaganweng ke tshiamelo ya tatlhegelo efe kana tshenyegelo go tswa tiragalong e e utlwalang ka motlhankedi wa sepodisi kana motlhatlhaobi wa selegae ka fa tlase ga karolo e.
Dibomo tse di ripitlang batho dife kana dife, karolwana ya karolo kana leano di tshwerwe kana di boloketswe bopaki mo ditsweletsong tsa bosenyi di tshwanetse go tshwarwa, go lebelelwa le go latlhiwa go ya ka Molao wa Tsamaiso ya
Bosenyi 1977 Molao No. 51 wa 1977, le Molao wa Diripitli, 1955 Molao No. 26 wa
Temogo pele ga tseno, le kgano kgatlhanong le tseno.
 Motlhatlhobi wa selegae kana motlhankedi wa sepodisi yo o boneng thebolelo go ya ka karolo 17 o tshwanetse ka bonako pele ga go tsena lefelo le le rileng -
a a itsise go utlwale gore o dumeletswe go tsena lefelo le go batla tumelelo go ya mo lefelong ; le b go itsise motho yo o laolang lefelo lebaka la go tsena; kwa ntle le fa go na le mabaka a a utlwalang go dumela gore kgoeletso e e jalo kana kitsiso e ka fenya lebaka la go batla.
Motlhatlhobi wa selegae o tshwanetse -
a go neela motho yo o laolang lefelo khophi ya thebolelo kana, fa motho yo o jalo a se teng, kgomaretsa khophi e e jalo kwa lefelong le le itsegeng mo lefelong; le b mo kopong ya motho yo o laolang lefelo le le jalo, a bontshe setefekeiti sa gagwe sa tlhomo kwa mothong yoo.
Motlhatlhobi wa selegae kana motlhankedi wa sepodisi yo o tshisintsweng mo karolotlaleletsong a ka nna a fenya twantsho go ya botsenong le phuruphotsong ka go dirisa maatla a a jalo jaaka go tlhokega mo go utlwalang, go tsenyeletsa go thuba ga lebati kana letlhabaphefo tsa lefelo.
Pele o dirisa maatla, motlhankedi wa sepodisi, kana motlhatlhobi wa selegae o tshwanetse a batle mo go utlwalang tumelelo mme a itsise lebaka la go tsena, kwa ntle le fa go na le mabaka a a utlwalang a go dumela gore go dira jalo go ka fenya lebaka la phuruphutso.
Tseno le phuruphotso ya lefelo kwa ntle ga thebolelo
Motlhatlhobi wa selegae, a felegeditswe ke motlhankedi wa sepodisi, a ka nna a tsena le go phuruphutsa lefelo lefe le go tsaya kana go tlosa dibomo tse di ripitlang batho dife kana dife kwa ntle ga thebolelo fa -
a e le gore motho yo o nang le bokgoni ba go dira jalo o dumela mo go tseneng go go jalo, phuruphutso, tseo le tloso; kana b tseno ya ka bonako kwa lefelong e a tlhokega -
i go netefatsa pabalesego ya motho ofe kana ofe; kana ii go thibela tshenyo e e masisi kwa tikologong, le gore go na le mabaka a a utlwalang a go dumela gore thebolelo e tla ntshiwa go ya ka karolo 17 le gore tiego e e tlisitsweng ke go bona thebolelo e tla fenya maikaelelo a thebolelo.
Ditlolomolao le dikotlhao malebana le phuruphutso ya lefelo
 Motho o molato ka tlolomolao fa ka maikaelelo a kgoreletsa, kana ka kitso a dira seteitemente se se fosagetseng, kwa motlhankeding wa sepodisi kana motlhatlhobi wa selegae ka nako ya phuruphutso ka fa tlase ga thebolelo e e bonwang go ya ka karolo
Motho ofe kana ofe yo o tshwerweng ka tlolomolao e e tshisinngwang mo karolotlaleletsong o tshwanelwa ke tuediso kana kgolegelo ya nako e e sa feteng ngwaga o le mongwe, kana go tsoo pedi tuediso le kgolegelo e e jalo.
KGAOLO 6
DITLHATLHOBO TSA BODITŠHABATŠHABA
Borongwa ba boditšhabatšhaba ba go batlana le dintlha mo Rephaboliking
 Borongwa ba boditšhabatšhaba ba go batlana le dintlha, bo bo dumeletsweng le go laolelwa ke mekgatlho le go tlhamiwa ke Mokwaledi Kakaretso wa
Ditšhaba Kopanong, o ka re go ya ka Athikele 8 ya Tumalano jwa tsena le go nna mo
Rephaboliking go batlisisa morero ofe kana ofe malebana le go sa tsamaisaneng go go kaegang ga Rephaboliki ka Tumalano.
Tona -
a o tshwanetse go tsaya dikgato tse di tlhokegang tsa tsamaiso go amogela, go tsamaisa le go naya borongwa bonno;
b o rwele maikarabelo a go netefatsa pabalesego ya borongwa go fitlha fa go lekaneng fa bo le mo Rephaboliking;
c o tshwanetse go dira matsapa otlhe go netefatsa gore maikaelelo a newa tšono go bua le batho botlhe ba ba maleba ba ba ka kgonang go tlamela tshedimosetso e e amanang le tsamaisano ya morero e e fa isong; le d o tshwanetse go abela borongwa phitlhelelo kwa dierieng tsotlhe le ditlhomo ka fa tlase ga taolo ya Rephaboliki koo mabaka a a maleba mo tsamaisanong ya morero o o ka solofelwang go tsewa.
Tona o tshwanetse go laolela motlhatlhobi wa selegae go felegetsa le go thusa motlhatlhobi wa boditšhabatšhaba.
Motlhatlhobi wa boditšhabatšhaba, fa a felegeditswe ke motlhatlhobi wa selegae le motlhankedi wa sepodisi, o na le ditshwanelo tsotlhe tse di boletsweng mo dikarolong 17, 18 le 19.
Ditshenyegelo tsa borongwa bofe kana bofe ba boditšhabatšhaba tsa go batlana le dintlha di tshwanetse go belegwa ke mekgatlho.
Go ikaegilwe ka Molao wa Setšhaba wa Botsamaisi ba Matlotlo wa 1999 (Molao No. 7 wa 1999), Tona a ka dumelela tuelo ya motho mongwe le mongwe yo e seng karolo ya borongwa ba boditšhabatšhaba ba go batlana le dintlha malebana le ditshenyegelo dife le dife tsa semolao tse di bonweng ke motho yoo malebana le borongwa bo bo jalo.
Setefekeiti jaaka motlhatlhobi wa boditšhabatšhaba
Tona o tshwanetse go ntshetsa leloko lengwe le lengwe la borongwa ba go batlana le dintlha mo Aforika Borwa setifikeiti se se -
a supang motlhatlhobi wa boditšhabatšhaba ka leina le go bontsha maemo a motlhatlhobi le bothati go tsamaisa borongwa ba go batlana le dintlha mo Aforika
Borwa;
b tlhalosang gore motlhatlhobi wa boditšhabatšhaba o itumelela ditshwanelo tsa go segapelediwe le ditshoutiso tse di tshisinngwang mo karolong 24 1;
c bayang maemo afe kana afe a a tshisinngwang mo karolong 23.
Maemo a a lefisiwang mo motlhatlhobing wa boditšhabatšhaba
 Tona a ka nna a lefisa maemo afe kana afe mo motlhatlhobing wa boditšhabatšhaba malebana le tiragatso ya ditiro tsa gagwe, maemo afe a a ka amanang le tshireletsego -
a ya didirisiwa tse di masisi, tshedimosetso kana mafelo;
b ya tshwanelo efe kana efe ya molaotheo; le c pabalesego ya motlhatlhobi wa boditšhabatšhaba.
Maemo a a lefisiwang ka fa tlase ga karolotlaleletso 1 a ntse a ka tlhoka motlhatlhobi wa boditšhabatšhaba gore a se diragatse dithata tse di tlhalositsweng fa a le mo lefelong le le tlhalositsweng.
Mo tiragalong ya Tona a lefisa maemo afe kana afe mo motlhatlhobing wa boditšhabatšhaba, Tona o tshwanetse go dira matsapa a otlhe a a utlwalang go bontsha ka bokao ba thefosano go tsamaelana ga Rephaboliki le Tumalano.
Batlhatlhobi ba boditšhabatšhaba ba tshwanetse go ikaega mo boemong ba pabalesego bo bo amogetsweng ba tlwaelo le tiragatso malebana le dibomo tse di ripitlang batho.
Ditshoutiso le ditshwanelo tse e seng tsa kgapeletso tsa batlhatlhobi ba boditšhabatšhaba
 Motlhatlhobi wa boditšhabatšhaba o itumelela ditshwanelo tse e seng tsa kgapeletso le ditshoutiso ka fa tlase ga Athikele VI ya Tumalano mo Ditshwanelong le ditshoutisong tsa Ditšhaba Kopano tse di kwadilweng mo Tlhabololong 3 go ya Molaong, 2001 (Molao No. 37 wa 2001) wa Ditshoutiso le Ditshwanelo tsa boDipolomate.
a Motlhatlhobi wa boditšhabatšhaba a ka nna a romela teng sedirisiwa sefe se se tlhokegang go diragatsa ditiro malebana le borongwa ba go batlana le dintlha go ya mo Rephaboliking, mme a ka romela ntle sedirisiwa go tswa Rephaboliking kwa bofelong ba borongwa.
b Thomelo teng le thomelo ntle ya sedirisiwa e e tshisinngwang mo temaneng (a) e gololosegile mo lekgethong lefe kana lefe kana kgethiso.
KGAOLO 7
TIRISANOMMOGO YA BODITŠHABATŠHABA
Tirisanommogo ya boditšhabatšhaba
 Tirisanommogo ya boditšhabatšha efe kana efe kana thuso e e neilweng kana e amogetswe ke Rephaboliki ka fa tlase ga Athikele 6 ya Tumalano e tshwanetse go diragala go ya ka maemo a tumalano e e tlhamaletseng.
Tumalano e tshwanetse go tlhalosa -
a boleng le maemo a tirisanommogo kana thuso.
b ditlamego tsa mekgatlho yotlhe kwa tumalanong, go tsenyelediwa le ditlamego tsa ditšhelete;
c ditshwanelo tse e seng tsa kgapeletso tsa bodipolomate dife kana dife le ditshoutiso tse di ka itumelelwang ke motho ofe kana ofe; le d ditsamaiso tsa tshiamiso ya dikganetsano,
Tumalano e e ka tlamelela -
a kananyo ya sedirisiwa, matheriale le tshedimosetso ya saense le thekenoloji malebana le tiragatso ya Tumalano;
b thuso ya setho, go tsenyelediwa -
i thuso ya tshiamiso ya dibomo;
ii thuso ya motswasetlhabelo; le iii mananeo a tlhokomediso ya dibomo;
c tlhokomelo, tsosoloso kopanyo gape ya loago le ikonomi ya batswasetlhabelo ba dibomo; le d thuso jaaka e tshisintswe mo temaneng 4 ya Athikele 6 ya Tumalano.
Tumelelo go tsaya karolo mo borongweng ba boditšhabatšhaba ba go batlana le dintlha ka kwa ntle ga Rephaboliki
 Tona a ka nna, ka puisano le Tona e e nonofileng fa go tlhokega, a tlhoma le go dumela ka go kwala moitseanape yo o rutegileng wa Aforika Borwa ofe kana ofe go nna leloko la borongwa ba boditšhabatšhaba la go batlana le dintlha kwa nageng e nngwe;
Motho ofe kana ofe yo o tlhomilweng le go dumelelwa o tshwanetse go, ka mabaka a borongwa a go batlana le dintlha, a dire ditiro tsa gagwe go ya ka bokaedi le ditaelo tsa mokgatlho kana bonosi bo bo dumeletsweng ke mekgatlho.
Mo nakong yotlhe ya maikaelelo a go batlana le dintlha motho o ikarabelela kwa mokgatlhong kana kwa bonosing bo bo dumeletsweng ke mekgatlho mme o tshwanetse go begela kwa go yona ka nako ya maikaelelo a a jalo.
a Motho o tshwanetse go thapiwa go ya ka tumalano e e saenilweng ke Tona, kana moemedi wa gagwe yo o dumeletsweng ka tshwanno, le kemedi e e dumeletsweng ka tshwanelo ya mokgatlho kana bonosi.
b Tumalano e tshwanetse bogolo e tlhalose -
a maemo a thapo;
b ditlamorago tsa matlotlo a mekgatlho yotlhe mo tumalanong;
c ditshwanelo tse e seng tsa kgapeletso le ditshoutiso tsa motho yo o amegang; le d mokgwa wa tshiamiso ya dikganetsano.
KGAOLO 8
TSHEDIMOSETSO LE DIREKOTO
Go begela
 Tona o tshwanetse -
a go kgobokanya, go rekota le go gasa tshedimosetso go tsamaelana le Tumalano mme o tshwanetse go begela, ka Tona ya Merero ya kwa Ntle, kwa Mokwaleding
Kakaretso wa Ditšhaba Kopano ka tsamaisano ya Rephaboliki le Tumalano;
b go tlhokomela tsamaelano ya Rephaboliki le Tumalano;
c go tshola rekoto ya dithebolelo tsotlhe tse di abilweng go ya ka karolo 7 le rekoto ya dibomo tsotlhe tse di ripitlang batho tse di sentsweng go ya ka Molao o.
Pegelo e e tshisintsweng mo karolotlaleletsong 1 a e tshwanetse go tsenyeletsa -
a dipegelo tsa ngwaga tse di tlhokegang ka fa tlase ga Athikele 7 ya Tumalano; le b tshedimosetso e e tlhokegang ka fa tlase ga Tumalano malebana le tshiamiso ya bomo, go tsenyelediwa manane a bomaitseanape, dikemedi tsa boitseanape le dintlha tsa kgolagano tsa bosetšhaba tsa tshedimosetso ya Ditšhaba Kopano mo tshiamisong ya bomo
Dithata tsa go kgobokanya tshedimosetso
 Tona a ka nna a kgobokanya tshedimosetso go tswa mothong ofe kana ofe fa tshedimosetso e tlhokega mo -
a tsamaisong le tiisetsong ya Molao o; le b tsamaelano le Tumalano.
Tona a ka nna a, ka kitsiso e e kwadilweng e e neilweng motho mongwe le mongwe, a tlhoka motho yoo go tlamela tshedimosetso e e jalo jaaka go ka tlhokega mo lobakeng le ka mokgwa le sebopego se se tlhalositsweng mo kitsisong.
Pegelo ya dibomo tse di ripitlang batho tse di tshotsweng kana di sentswe
Motho ofe kana ofe yo o tshisintsweng mo karolong 7 kana 13 o tshwanetse go tshola rekoto e e kwadilweng mo sebopegong se se tlhalositsweng sa dibomo tsotlhe tse di ripitlang batho e e mo go ena kana e sentswe ke ena.
Ditlolomolao le dikotlhao malebana le tlamelo ya tshedimosetso
 Motho o molato ka tlolomolao fa -
a kwa ntle ga maitato a a utlwalang a tlholega go tsamaisana le kitsiso e e tshisintsweng mo karolong 28 ;
b ka maikaelelo kana ka bosutlha a tlamela tshedimosetso e e fosagetseng malebana le kitsiso e e jalo; kana c a tlholega go tshola rekoto jaaka go tshisintswe mo karolong 29.
Motho ofe kana ofe yo o tshwerweng ka tlolomolao e e tshisintsweng mo karolotlaleletsong o tshwannwa ke tuediso kana kgolegelo ya lobaka lo lo sa feteng ngwaga o le mongwe kana tse pedi tuediso le kgolegelo jalo.
KGAOLO 9
DITLAMELO TSA KAKARETSO
Dikaelo tsa go katisa
Tona o tshwanetse go netefatsa gore dikaelo tsa kakaretso di a rebolwa malebana le go katisiwa ga motlhankedi ofe kana ofe yo o diragatsang tiro go ya ka
Molao o kana Tumalano.
Melawana
Tona a ka, ka kitsiso mo Kaseteng, a dira melawana malebana le -
a sengwe le sengwe se se ka, kana se se tshwanetseng go ya ka Molao o; le b tsamaiso efe kana mokgwa wa tsamaiso o o tlhokegang go tlhalosa gore o tsenye tirisong mo ditlamelong tsa Molao o.
Kemedi ya dithata le kabo ya tiro
 Tona a ka aba dithata dingwe le dingwe, ka botlalo kana ka karolo, tse di beilweng mo go ena ke Molao o, kwa ntle ga dithata go dira melawana go ya ka karolo 32, le go aba tiro, ka botlalo kana ka karolo, e e beilweng mo go ena go ya ka Molao o, go -
a Mokwaledi wa Tshireletso.
b Mogolo wa Matsholo a Tshireletso a Bosetšhaba a Aforika Borwa, kana a mothapiwa wa Lefapha la Tshireletso yo o tshwereng maemo kana kemo ya bogolo. Mokaedi, Moboregadiri wa Kakaretso kana Moatemerale wa Morago Kereiti e Nnye.
Kemedi kana kabelo go ya ka karolotlaleletso 1 -
a e tshwanetse go bo e kwadilwe;
b e ya go ya ka dikaelo le maemo jaaka Tona a ka lefisa; le c ga e amoge Tona maikarabelo malebana le tiragatso ya dithata kana tiragatso ya tiro e e fa isong.
Setlhogo se se khutshwane le tshimologo
Molao o o bidiwa Molao wa Kiletso ya Dibomo tse di Ripitlang batho, 2002, mme o simolola ka letlha le le tsepamisitsweng ke Moporesidente ka kgoeletso mo
Kaseteng.
TLHABOLOLO
Tumalano mo Kiletsong ya Tiriso, Bobolokelo, Tlhagiso le Phetiso ya Dibomo tse di
Ripitlang batho le ka Tsenyo ya tsona, 18 Lwetse 1997
MATSENO
Mekgatlho ya Dinaga
Go ikaeletswe go tlisa tshotlego bokhutlong le dikgobalo tse di bakiwang ke dibomo tse di ripitlang batho, tse di bolayang kana di gobatsa makgolokgolo a batho beke le beke, segolo baagi ba ba se nang molato ba ka se iphemele bogolo bana, go kgoreletsa tsweletso le kagolešwa ya ikonomi, go iletsa pusetso gae ya bafaladi le batho ba ba ka fa gare ba ba se nang magae, le go nna le ditlamorago tse di tsitsibanyang dingwaga morago ga phuduso.
Go dumelwa gore go a tlhokega go dira bojotlhe jwa bona go aba ka tsela e e nonofileng e e golaganang go lebagana le kgwetlho ya go tlosa dibomo tse di ripitlang batho tse di beilweng go ralala lefatshe, le go tlhomamisa tshenyo ya tsona.
Mo go eletseng go dira bojotlhe jwa bona mo go tlameleng thuso ya tlhokomelo le tsosoloso, go tsenyelediwa le kopanyo gape ya loago le ikonomi ya batswasetlhabelo ba bomo.
Mo go lemogeng gore kganelo e e feleletseng ya dibomo tse di ripitlang batho e tla nna kelo e e botlhokwa ya go aga go itshepa.
Go amogela tseo ya Phorothokholo ya Dikiletso kana Ditekanyetso mo Tirisong ya
Dibomo, Dirai tsa Bobi le Ditlamaganyo tse Dingwe, jaaka di tlhabolotswe ka di 3
Motsheganong 1996, di tlhabolotswe mo Tumalanong ya Ditekanyetso kana
Ditekanyetso mo Tirisong ya Dibetsa tse di Rileng tsa Tlwaelo Tse di Ka Tsewang go nna Kotsi go Feta kana go Nna le Ditlamorago tse di Gotlhe, le go goeletsa tshiamiso ya e sale gale ya Phorothokholo e ka Dinaga tsotlhe tse di iseng di dire jalo.
Go amogela gape Tshwetso ya Kopano Kakaretso ya Ditšhaba Kopano 51/45 ya di 10 Sedimonthole 1996 e e rotloetsang Dinaga tsotlhe go tsweletsa ka maatla tumalano ya semolao e e bofang e e nonofileng ya boditšhabatšhaba go thibela tiriso, bobolokelo, tlhagiso le phetiso ya dibomoserai tse di ripitlang batho.
Go amogela gape go ya pele dikgato tse di tserweng mo dingwageng tse di fetileng, bobedi ka bongwe kana bontsi, go ikaeletswe kiletsong, tekanyetsong, kana kemisong ya tiriso, bobolokelong, tlhagisong le phetisong ya dibomo tse di ripitlang batho.
Go gatelela seabe sa segakolodi sa setšhaba mo go tsweletseng ditheo tsa botlhe jaaka di itemogelwa ke pitso ya kiletso e e feletseng ya dibomo tse di ripitlang batho le go lemoga matsapa go fitlha bokhutlong a a tserweng ke Sefapaano se se Hubedu sa
Boditšhabatšhaba a go Iletsa Dibomoserai le mekgatlho e mengwe e e seng ya mmuso e le mmalwa go dikologa lefatshe.
Go gakologelwa Tlhomamiso ya Ottawa ya di 5 Diphalane 1996 le Tlhomamiso ya
Brussels ya di 27 Seetebosigo 1997 e e gwetlhang baagi ba boditšhaba go rerisana tumalano e e bofang ya boditšhabatšhaba le semolao e e iletsang tiriso, bobolokelo, tlhagiso le phetiso ya dibomo tse di ripitlang batho.
Go gatelela keletso ya go gogela tatelano ya Dinaga tsotlhe kwa Tumalanong e, le
Go ikaelela go dira ka natla go ya kgodisong ya bogotlhe ba yona mo mabakeng otlhe a a a a maleba gareng ga tse dingwe, Ditšhaba tse di Kopaneng, Khonferense ya
Kamogodibetsa, mekgatlho ya kgaolo, le ditlhophana, le go thadisa dikhonferense tsa
Tumalano mo Dikiletsong kana Ditekanyetsong mo Tirisong ya Dibetsa tse di Rileng tsa
Tlwaelo Tse di ka Tsewang go nna Kotsi go Fela kana go Nna le Ditlamorago tse di
Gotlhe.
Go ipaya ga bona mo theong ya molao wa botho wa boditšhabatšhaba wa gore tshwanelo ya mekgatlho kwa thulanong e e tlhometseng go tlhopha mekgwa kana boleng ba ntwa ga e tlhaele, mo theong e e iletsang thapo mo dithulanong tse di tlhometseng tsa dibetsa, diporojeke le dimatheriale le mekgwa ya dintwa tsa boleng go baka kgobalo e ntsintsi kana tshotlego e e sa tlhokegeng le mo theong ya gore pharologano e tshwanetse go dirwa magareng ga baagi le balwantshi.
Go dumalanwe jaaka go latela:
Athikele 1
Ditlamego tsa kakaretso
Mokgatlho wa Naga mongwe le mongwe ga o nke o ikana ka fa tlase ga mabaka ape:
a Go dirisa dibomo tse di ripitlang batho;
b Go tsweletsa, go tlhagisa, go bona ka tsela nngwe, go bolokela, go tshola kana go fetisetsa go mongwe le mongwe, ka tlhamalalo kana e se ka tlhamalalo, dibomo tse di ripitlang batho;
c Go thusa, go rotloetsa kana go sokasoka, ka tsela efe, mongwe le mongwe go amega mo tirong efe e e ileditsweng kwa Mokgatlhong wa Naga ka fa tlase ga
Tumalano.
Mokgatlho wa Naga mongwe le mongwe o ikana go senya kana go netefatsa tshenyo ya dibomo tsotlhe tse di ripitlang batho go ya ka ditshiamelo tsa Tumalano.
Athikele 2
Ditlhaloso
'Dibomo tse di ripitlang batho' di kaya dibomo tse di rulagantsweng go thuntshiwa ka go nna teng, bokhutshwane kana kgolagano ya motho mme seo se tla tlhokisa maatlafatso, go gobatsa kana go bolaya motho a le mongwe kana go feta.
Dibomo tse di rulagantsweng go ripitliwa ke go nna teng, bogautshwane kana kgolagano le koloi go na le motho, e e tlametsweng ka didirisiwa tse di lwantshang tsholo, ga di tsewe jaaka dibomo tse di ripitlang batho ka ntlha ya go tlamelwa go le kalo.
'Dibomo' di kaya dibetsa tse di rulaganyeditsweng go bewa ka fa tlase, mo godimo kana gaufi le lefatshe 'kana eria ya bodilo bo bongwe, le go thuntshiwa ka go nna teng, bogautshwane le kamano ya motho kana koloi'.
'Sedirisiwa sa twantsha tshwaro' se kaya sedirisiwa se se ikaeletsweng go sireletsa dibomo tse e leng karolo ya, se golagane le, se tshwaragantswe le kana se beilwe ka fa tlase ga bomo le se se rotloetsegang fa maiteko a dirwa go tshwenyana le kana ka tsela e nngwe ka maikaelelo go tshwenya bomo.
'Phetiso' e ama, mo tlaleletsong kwa motsamaong wa sebele wa dibomo tse di ripitlang batho go ya mo teng kana go tswa nageng ya bosetšhaba phetiso ya setlhogo go ya kana go ya go le taolo mo dibomong mme e sa ame phetiso ya naga e e tshotseng dibomo tse di tripitlang batho tsa lefelo.
'Eria ya bomo' e kaya eria e e kotsi ka ntlha ya go nna teng kana go nna teng go go belaelwng ga dibomo.
Athikele 3
Dikarogo
Go sa lebalwe ditlamorago tsa kakaretso ka fa tlase ga Athikele 1, go tshola kana phetiso ya puso ya dibomo tse di ripitlang batho mo go tlhabololeng le go katiseng talelo ya dibomo, kgololo ya dibomo, kana dithekeniki tsa tshenyo ya dibomo di dumeletswe.
Boleng ba dibomo tse di jalo ga bo ne bo feta palo ya minimamo o o tlhokegang gotlhelele mo mabakeng a a boletsweng fa godimo.
Phetiso ya dibomo tse di ripitlang batho ka mabaka a tshenyo e dumeletswe
Athikele 4
Tshenyo ya bobolokelo ba dibomo tse di ripitlang batho
Kwa ntle ga jaaka go tlametswe mo Athikeleng 3, Mokgatlho wa Naga mongwe le mongwe o ikana go senya le go netefatsa tshenyo ya bobolokelo ba dibomo tse di ripitlang batho tse e leng tsona kana e na nayo, kana tse di ka fa tlase ga taolelo kana taolo, ka bonako bo bo kgonegang mme e seng morago ga dingwaga tse nne morago ga tseno go ya matsholong a Tumalano e ya Mokgatlho wa Naga.
Athikele 5
Tshenyo ya dibomo tse di ripitlang batho mo diarieng tsa dibomo
Mokgatlho wa Naga mongwe le mongwe o ikana go senya kana go netefatsa tshenyo ya dibomo tse di ripitlang batho mo dierieng tsa dibomo ka fa tlase ga taolelo le taolo ya yona, ka bonako bo bo kgonegang fela e seng morago ga dingwaga di le lesome morago ga tseno mo tirisong ya Tumalano ya Mokgatlho wa Naga.
Mokgatlho wa Naga mongwe le mongwe o tla dira matsapa otlhe go lemoga dieria tsotlhe ka fa tlase ga taolelo kana taelo ya ona e mo go yona dibomo tse di ripitlang batho tse di itsegeng kana di belaelwang go sutisiwa mme di tla netefatsa ka bonako ka fa go kgonegang gore dibomo tsotlhe tse di ripitlang batho mo dierieng tsa dibomo ka fa tlase ga taolelo le taolo di tshwailwe go ya ka pherimetara, di tlhokometswe le go sirelediwa ka go agelela kana mekgwa e mengwe, go netefatsa kgapelontle e e nonofileng ya baagi, go fitlha dibomo tsotlhe tse di ripitlang batho tse di tshotsweng foo di sentswe. Go tshwaiwa go tla nna bogolo ga ya ka maemo a a tlhomilweng mo
Phorothokholong kana Dikiletsong kana Ditekanyetsong mo Tirisong ya Dibomo, Dirai tsa Bobi le Didirisiwa tse Dingwe, jaaka go tlhabolotswe ka di 3 Motsheganong 1996, e e tlhabolotsweng mo Tumalanong kana Dikiletso kana Ditekanyetsong mo Tirisong ya
Dibetsa Dingwe tse di Rileng tsa Tlwaelo Tse di ka Tsewang go nna Kotsi go Feta kana go Nna le Ditlamorago tse di Gotlhe.
Fa Mokgatlho wa Naga o dumela gore ga o ne o kgona go senya kana go netefatsa tshenyo ya dibomo tse di ripitlang batho tse go buiwang ka tsona mo temaneng 1 mo nakong eo, di ka isa kopo kana kwa Kopanong ya Mekgatlho ya Dinaga kwa
Khonferenseng ya Thadiso go bona katoloso ka letlha la bofelo la go feleletsa tshenyo, ya dibomo tse di ripitlang batho jalo, ka lobaka lo lo ka fitlhang go dingwaga tse di lesome.
Kopo nngwe le nngwe e tla tshola:
a Lobaka lwa katoloso e e tshisintsweng;
b Tlhaloso e e tletseng ya mabaka a katoloso e e tshisintsweng, go tsenyeletsa:
i Paakanyo le maemo a tiro a a dirwang ka fa tlase ga mananeo a bosetšhaba a go fedisa dibomo;
ii Boleng ba ditšhelete le botegeniki bo bo leng teng kwa Mokgatlhong wa
Naga tsa go Senya dibomo tsotlhe tse di ripitlang motho; le iii Mabaka a a thibelang bokgoni ba Mokgatlho wa Naga go senya dibomo tsotlhe tse di ripitlang batho mo dierieng tsa dibomo;
c Ditlamorago tsa setho. Loago, ikonomi le tikologo tsa katoloso; le d Tshedimosetso efe e nngwe e e maleba mo kopong ya katoloso e e tshisintsweng.
Kopano ya Mekgatlho ya Dinaga kana Khonferense ya Thadiso e tla re go lebelelwa mabaka a a tshotsweng mo temaneng 4, ya tlhatlhoba kopo mme e swetse ka bontsi ba dibouto tsa Mekgatlho ya Dinaga tse di leng teng le go bouta gore a o aba kopo ya katoloso ya lobaka.
Katoloso e e jalo e ka ntšhafadiwa ka go dira kopo e ntšha go ya ka ditemana 3.4
le 5 ya Athikele e. Mo go kopeng katoloso ya nako e e tswelelang Mokgatlho wa Naga o tla tlisa tshedimosetso ya tlaleletso e e maleba ka se se dirilweng mo lobakeng lwa katoloso lo lo fetileng go latela Athikele e.
Athikele 6
Tirisanommogo le thuso ya boditšhabatšhaba
Mo go diragatseng maikaelelo a teng ka fa tlase ga Tumalano Mokgatlho wa
Naga mongwe le mongwe o na le tshwanelo go batla le go amogela thuso, fa go kgonegang, go tswa Mekgatlhong ya dinaga tse dingwe go fitlha fa go kgonegang.
Mokgatlho wa Naga mongwe le mongwe o ikana go tsamaisa mme o tla nna le tshwanelo go tsaya karolo mo thefosanong e e tletseng e e kgonegang ya sedirisiwa, matheriale le tshedimosetso ya saense le thekenoloji malebana le tiragatso ya Tumalano e. Mekgatlho ya Dinaga ga e ne e gatelela ditekanyetso tse di sa tlhokegeng mo tshiamelong ya sedirisiwa sa kgololo ya bomo le tshedimosetso e e amanang le thekenoloji mo mabakeng a setho.
Mokgatlho wa Naga mongwe le mongwe o o mo maemong go dira jalo o tla tlamela thuso ya tlhokomelo le tsosoloso le kopanyo ya loago le ikonomi, tsa batswasetlhabelo ba dibomo le mananeo a tlhokomediso ya dibomo. Thuso e e jalo e ka tlamelwa, gareng ga tse dingwe, ka tsela ya Ditšhaba Kopano, boditšhabatšhaba, kgaolo kana mekgatlho ya bosetšhaba kana ditheo, Komiti ya Boditšhabatšhaba ya sefapaano se se Hubedu, Sefapaano se se Hubedu sa boditšhaba le mekgatlho ya
Sekangwedi se se Hubedu le Tshwaragano ya Boditšhaba, mekgatlho e e seng ya mmuso, kana mo theong ya matlhakore a mabedi.
Mokgatlho wa Naga mongwe le mongwe o o mo maemong a go dira jalo o tla tlamela thuso ya kgololo ya dibomo le ditiro tse di amaneng. Thuso e e jalo e ka tlamelwa, ka go rialo, ka tsela ya Ditšhaba Kopano, boditšhabatšhaba kana mekgatlho ya dikgaolo kana ditheo, mekgatlho e e seng ya mmuso kana ditheo, kana mo theong ya matlhakore a mabedi, kana ka go aba kwa Letloleng la Ditšhaba Kopano la
Boithaopo la Thuso mo Kgololong ya Dibomo, kana matlole a kgaolo a mangwe a a dirang ka dibomo.
Mokgatlho wa Naga o mongwe le o mongwe mo maemong a go dira jalo o tla tlamela thuso kwa tshenyong ya bobolokelo ba dibomo tse di ripitlang batho.
Mokgatlho wa Naga mongwe le mongwe o ikana go tlamela tshedimosetso kwa sefalaneng sa kgololo ya bomo e e tlhomilweng mo tseleng ya Ditšhaba
Kopano, segolo tshedimosetso e e malebana le mekgwa e e farologaneng le dithekenoloji tsa kgololo ya dibomo, le manane a baitseanape kana dintlha tsa boditšhaba tsa kgolagano mo kgololong ya dibomo.
Mekgatlho ya Dinaga e ka kopa Ditšhaba Kopano, mekgatlho ya kgaolo,
Mekgatlho ya Dinaga e mengwe kana kopano ya mebuso e e nonofileng e mengwe kana lephatha le e seng la mmuso go thusa bothati ba teng mo go atoloseng lenaneo la bosetšhaba la tloso ya dibomo go tlhomamisa, gareng ga tse dingwe;
a Bogolo le boalo ba bothata ba dibomo tse di ripitlang batho;
b Metswedi ya ditšhelete, thekenoloji le botho e e tlhokegang go diragatsa lenaneo;
c Palo ya dingwaga tse di lekanyeditsweng tse di tlhokegang go senya dibomo tsotlhe tse di ripitlang batho mo dierieng tsa dibomo ka fa tlase ga taolelo kana taolo ya Mokgatlho wa Naga o o amegang;
d Ditiro tsa tlhokomediso ya bomo go fokotsa ditiragalo tsa dikgobalo tse di amanang le dibomo le dintsho;
e Thuso kwa batswasetlhabelong ba dibomo;
f Kamano magareng ga Mmuso wa Mokgatlho wa Naga o o amegang le mmuso, kopano ya mebuso e e maleba, kana dikarogano tse e seng tsa mmuso tse di tla dirang mo go diragatseng lenaneo.
Mokgatlho wa Naga mongwe le mongwe o o nayang le go amogela thuso ka fa tlase gaditshiamelo tsa Athikele e tla dirisana le pono kwa go netefatsang tiragatso e e tletseng e e bonako ya mananeo a thuso a a dumalanweng.
Athikele 7
Dikelo tse di se nang bofitlha
Mokgatlho wa Naga mongwe le mongwe o tla bega kwa go Mokwaledi Kakaretso wa Ditšhaba Kopano ka bonako jo bo kgonegang, mme mo tiragalong efe kana efe e seng morago ga malatsi a le 180 morago ga tseno mo tirisong ya Tumalano e ya
Mokgatlho oo wa Naga ka:
a Tiragatso ya dikelo tsa bosetšhaba tse di bolelwang mo Athikeleng 9;
b Bogotlhe ba dibomo tsotlhetse di ripitlang batho tsa bobolokelo tse di leng tsa kana di le tsa yona, ka fa tlase ga taolelo kana go tsenyeletsa thubego ya mofuta, boleng le, fa go kgonega palo e ntsi ya mofuta mongwe le mongwe wa bobolokelo ba dibomo tse di ripitlang batho c Go fitlha fa go kgonegang, lefelo la mafelo otlhe a dibomo a a tshotseng, kana a belaelwa go tshola, dibomo tse di ripitlang batho ka fa tlase ga taolelo kana taolo, go tsenyeletsa dintlha tse dintsi jaaka go kgonega malebana le mofuta le boleng ba mofuta ofe kana ofe wa dibomo tse di ripitlang batho mo erieng ya dibomo nngwe le nngwe le fa di ne di tlosiwa.
d Mefuta, boleng le, fa go kgonega, dipalo tse dintsi, tsa dibomo tsotlhe tse di ripitlang batho e e tshotsweng kana e fetiseditswe tlhabololo ya katiso mo temogong ya dibomo, kana phetiso ka mabaka a tshenyo, mmogo le ditheo tse di dumeletsweng ke
Mokgatlho wa Naga go tshola kana go fetisa dibomo tse di ripitlang batho, go ya ka
Athikele 3.
e Maemo a mananeo mo phetolelong kana go ntsha mo tirisong ditshiamelo tsa tlhagiso ya dibomo tse di ripitlang batho;
f Maemo a mananeo mo tshenyong ya dibomo tse di ripitlang batho go ya ka
Athikele 4 le 5, go tsenyelediwa dintlha tsa mekgwa e e tla dirisiwang mo tshenyong, peo ya mafelo otlhe a tshenyo le maemo a pabalesego le tikologo a a amegang go lebelelwa;
g Mefuta le boleng ba dibomo tsotlhe tse di ripitlang batho tse di sentsweng morago ga tseno mo tirisong ya Tumalano e ya Mokgatlho wa Naga, go tsenyeletsa thubego ya khwanthiti ya mofuta mongwe le mongwe wa dibomo tse di ripitlang batho, go ya ka Athikele 4 le 5, ka go latelana, go bapa le, fa go kgonega, bontsi ba dipalo tsa mofuta wa mongwe le mongwe wa dibomo tse di ripitlang batho mo lebakeng la tshenyo go ya ka Athikele 4;
h Diponagalo tsa bothekeniki tsa mofuta mongwe le mongwe wa dibomo tse di ripitlang batho tse di tlhagisiwang, go fitlha fa go itsegeng, le tseo tse jaanong e leng tsa kana di ruilwe ke Mokgatlho wa Naga, go neela, fa go kgonegang, ditlhopha tse di jalo tsa tshedimosetso jaaka fa go ka tsamaisa temogo le kgololo ya dibomo tse di ripitlang batho, kwa minimamong, tshedimosetso e, e tla tsenyeletsa ditekanyo, go kopanya, diteng tsa diripitli, diteng tsa tshipi, ditshwantsho tsa mebala le tshedimosetso e nngwe e e ka tsamaisang kgololo ya dibomo; le i Dikelo tse di tserweng go tlamela kgalemo ya ka bonako e e nonofileng kwa setšhabeng malebana le dieria tsotlhe tse di lemogilweng ka fa tlase ga temana 2 ya
Athikele 5.
Tshedimosetso e e tlametsweng go ya ka Athikele e e tla tlalelediwa ke
Mekgatlho ya Dinaga ka ngwaga, go akaretsa khalentara ya bofelo ya ngwaga, le go begelwa Mokwaledi Kakaretso wa Ditšhaba Kopano e seng morago ga di 30
Moranang tsa ngwaga mongwe le mongwe.
Mokwaledi Kakaretso wa Ditšhaba Kopano o tla tsamaisa dipegelo tsotlhe tse di jalo tse di amogetsweng kwa Mekgatlhong ya Dinaga,
Athikele 8
Tsamaiso le tlhaloso ya tsamaelano
Mekgatlho ya Naga e dumela go buisana le go dirisana le e mengwe malebana le tiragatso ya ditshiamelo tsa Tumalano, e le go dira mmogo ka mowa wa tirisanommogo go tsamaisa tsamaelano ka Mekgatlho ya Dinaga ka ditlamego a yona ka fa tlase ga
Tumalano e.
Fa Mokgatlho wa Naga o le mongwe kana go feta o eletsa go tlhalosa le go batla go rarabolola dipotso tse di amanang le tsamaelano le ditshiamelo tsa Tumalano e, ka Mokgatlho wa Naga o mongwe, o ka tlisa, ka Mokwaledi Kakaretso wa Ditšhaba
Kopano, Kopo ya Tlhaloso ya morero kwa Mokgatlhong wa Naga. Kopo e e jalo e tla felegediwa ke tshedimosetso e e maleba. Mokgatlho wa Naga mongwe le mongwe o tla emela kgakala le Dikopo tsa Tlhaloso tse di sa itsiweng, tlhokomelo e etsewa go thibela tshotlako. Mokgatlho wa Naga o o amogelang Kopo ya Tlhaloso o tla tlamela ka
Mokwaledi Kakaretso wa Ditšhaba Kopano, mo malatsing a le 28 kwa kopong ya Mokgatlho wa Naga tshedimosetso yotlhe e e ka thusang mo go tlhaloseng morero o.
Fa Mokgatlho wa Naga o o kopang o sa amogele karabo ka Mokwaledi Kakaretso wa Ditšhaba Kopano mo lobakeng lwa nako, kana o bona karabo kwa Kopong ya
Tlhaloso e sa kgotsofatse, o ka nna wa tlisa morero ka Mokwaledi Kakaretso wa Ditšhaba
Kopano go ya Kopanong e e latelang ya Mekgatlho ya Dinaga. Mokwaledi
Kakaretso wa Ditšhaba Kopano o tla tsamaisa lokwalo, le felegeditswe ke tshedimosetso yotlhe e e maleba e e tsamaelang le Kopo ya Tlhaloso, go ya Mekgatlhong ya Dinaga. Tshedimosetso yotlhe e e jalo e tla tlhagisiwa kwa Mokgatlhong wa Naga o o kopiwang o o nang le tshwanelo go araba.
Go ikaegilwe ka go tsena ga kopano efe ya Mekgatlho ya Naga, nngwe le nngwe ya Mekgatlho ya Dinaga e e amegang e ka kopa Mokwaledi Kakaretso wa Ditšhaba
Kopano go diragatsa ofisi ya gagwe go tsamaisa tlhaloso e e kopilweng.
Mokgatlho wa Naga o o kopang o ka nna wa tshisinya ka Mokwaledi
Kakaretso wa Ditšhaba Kopano go tsena ga Kopano e e Kgethegileng ya
Mekgatlho ya Dinaga go sekaseka morero. Mokwaledi Kakaretso wa Ditšhaba
Kopano o tla tlhaeletsana tshisinyo mme tshedimosetso yotlhe e e tlisiwang ke
Mekgatlho ya Dinaga tse di maleba, kwa Mekgatlhong ya Dinaga ka kopo gore ba bontshe gore a ba rata Kopano e e Kgethegileng ya Mekgatlho ya Dinaga, ka lebaka la go sekaseka morero. Mo tiragalong e e leng gore mo malatsing a le 14 go tloga letlheng la tlhaeletsano e e jalo, bogolo nngwe tharong ya Mekgatlho ya Dinaga e rata Kopano e e
Kgethegileng, Mokwaledi Kakaretso wa Ditšhaba Kopano o tla bitsa Kopano e e
Kgethegileng ya Mekgatlho ya Dinaga mo malatsing a le 14 a a latelang. Khoramo ya
Kopano e e tla nna le bontsi ba Mekgatlho ya Dinaga.
Kopano ya Mekgatlho ya Dinaga kana Kopano e e Kgethegileng ya Mekgatlho ya
Dinaga, jaaka kgetsi e ka laolela, e tla tlhomamisa gore a go sekasekwe morero go ya pele, go lebelelwa tshedimosetso yotlhe e e tlisitsweng ke Mekgatlho ya Naga e e amegang. Kopano ya Mekgatlho ya Dinaga kana Kopano e e Kgethegileng ya Mekgatlho ya Naga e tla dira matsapa otlhe go fitlhelela tshwetso e ka tumalano. Fa e le gore le ka matsapa otlhe go fitlha foo ga go tumalano e e fitlheletsweng, go tla tsewa tshwetso ka bontsi ba Mekgatlho ya Dinaga e e teng e e boutang.
Mekgatlho ya Dinaga yotlhe e tla dirisana ka botlalo le Kopano ya Mekgatlho ya
Dinaga kana Kopano e e Kgethegileng ya Mekgatlho ya Dinaga mo go fitlheleleng thadiso ya yona ya morero, go tsenylediwa maikaelelo afe a go batlana le dintlha a a dumeletsweng go ya ka temana 8.
Fa tlhaloso e e tswelelang e tlhokega, Kopano ya Mekgatlho ya Dinaga kana
Kopano e e Kgethegileng ya Mekgatlho ya Dinaga e tla dumelela borongwa ba go batlana le dintlha le go swetsa ka kemedi ya yona ka bontsi ba Mekgatlho ya Dinaga e e leng teng e e boutang. Ka nako Mokgatlho ofe kana ofe wa Naga o o kopiwang o ka nna wa laletsa maikaelelo a go batlana le dintlha kwa nageng ya teng. Borongwa bo bo jalo bo tla diragala kwa ntle ga tshwetso ya Kopano ya Mekgatlho ya Dinaga kana Kopano e e
Kgethegileng ya Mekgatlho ya Dinaga go dumelela maikaelelo a a jalo. Maikaelelo, a a tshotseng bomaitseanape ba ba ka nnanag 9, ba tlhomilwe le go rebolwa go ya ka ditemana 9 le 10 ba ka kgobokanya tshedimosetso e e tlaleleditsweng ka nako eo kana mo mafelong a mangwe a a amanang ka tlhamalalo le morero wa tsamaiso e e akanngwang ka fa tlase ga taolelo kana taolo ya Mokgatlho wa Naga o o kopiwang.
Mokwaledi Kakaretso wa Ditšhaba Kopano o tla siamisa le go tlaleletsa lenane la maina, ditšhaba le data e nngwe e e maleba ya bomaitseanape ba ba rutegileng ba ba tlamelwang ke Mekgatlho ya Dinaga.ie go tlhaeletsana seno kwa Mekgatlhong ya
Dinaga. Moitseanape mongwe le mongwe yo o tsentsweng mo lenaneng le o tla tsewa jaaka yo o tlhomilweng mo maikaelelong otlhe a go batlana le dintlha kwa ntle ga fa
Mokgatlho wa Naga o bolela go sa dumeleng ga ona ka go kwala. Mo tiragalong ya go sa dumele, moitseanape ga a ne a tsaya karolo mo borongweng ba go batlana le dintlha mo nageng kana lefelo lefe le le lengwe ka fa tlase ga taolelo kana taolo ya Mokgatlho wa
Naga o o ganetsang, fa go sa dumele go ne go builwe pele ga tlhomo ya moitseanape wa maikaelelo a a jalo.
Mo go amogeleng kopo go tswa Kopanong ya Mekgatlho ya Dinaga kana Kopano e e Kgethegileng ya Mekgatlho ya Dinaga, Mokwaledi Kakaretso wa Dinaga Kopano o tla re morago ga ditherisano le Mokgatlho wa Naga o o kopilweng, a tlhoma maloko a borongwa go tsenyelediwa moeteledipele wa teng. Baditšhaba ba Mekgatlho ya Dinaga ba ba kopang borongwa ba go batlana le dintlha kana ka tlhamalalo e amilwe ke tsona ga ba ne ba tlhomiwa mo borongweng. Maloko a borongwa a go batlana le dintlha a tla itumelela ditshwanelo le ditshoutiso ka fa tlase ga Athikele V ya
Tumalano mo Ditshwanelong tse e seng tsa kgapeletso le Ditshoutisong tsa Mekgatlho e e Kopaneng, e e tserweng ka di 13
Tlhakole 1946.
Mo godimo bogolo ga kitsiso ya diura tse 72, maloko a borongwa a go batlana le dintlha a tla goroga mo nageng ya Mokgatlho wa Naga o o kopilweng kwa tšhonong ya e sale gale. Mokgatlho wa Naga o o kopilweng o tla tsaya dikaelo tsa tsamaiso tse di tlhokegang go amogela, go palamisa, le go neela bonno maikaelelo, mme o tla rwala maikarabelo a go netefatsa pabalesego ya borongwa go fitlha makisimamong o o kgonegang fa ba le mo nageng ka fa tlase ga taolo.
Kwa ntle ga ketsaketsego kwa boikemelong ba Mokgatlho wa Naga o o kopilweng, borongwa ba go batlana le dintlha bo ka nna ba tlisa mo nageng ya
Mokgatlho wa Naga o o kopilweng sedirisiwa se se tlhokegang se se tla dirisiwang fela go kgobokanya tshedimosetso mo morerong wa tsamaelano e e akanngwang. Pele ga kgorogo ya ona, borongwa bo tla gakolola Mokgatlho wa Naga o o kopilweng ka sedirisiwa se o ikaeletseng go se dirisa mo tseleng ya ona ya borongwa ba go batlana le dintlha.
Mokgatlho wa Naga o o kopilweng o tla tsaya matsapa otlhe go netefatsa gore borongwa ba go batlana le dintlha bo newa tšhono go bua le batho botlhe ba ba maleba ba gongwe ba ka kgonang go tlamela tshedimosetso e e amanang le morero wa tsamaelano o o akanngwang.
Mokgatlho wa Naga o o kopilweng o tla naya phitlhelelo kwa borongweng ba go batlana le dintlha go ya dierieng tsotlhe le go tsenya ka fa tlase ga taolo koo dintlha tse di maleba le morero wa tsamaelano o ka solofelwang go tsewa. Seno se tla ikaega ka dithulaganyo dingwe le dingwe tsa Mokgatlho wa Naga o o kopilweng o o bonang go tlhokega ka:
a Tshireletso ya sedirisiwa se se masisi, tshedimosetso le dieria;
b Tshireletso ya ditlamego dingwe le dingwe tsa molaotheo wa Mokgatlho wa Naga o o kopilweng malebana le ditshwanelo tsa kgono, diphuruphutso le dikgapo, kana ditshwanelo tse dingwe tsa semolaotheo; kana c)) Tshireletso ya sebopego le pabalesego ya maloko a borongwa a go batlana le dintlha.
Mo lebakeng la gore Mokgatlho wa Naga o o kopilweng o dira dithulaganyo tse di jalo, o tla dira matsapa a a utlwalang go bontsha ka mekgwa ya thefosano tsamaelano ya temg le
Tumalano e.
Borongwa ba go batlana le dintlha bo ka sala mo nageng ya Mokgatlho wa Naga o o amegang e seng go feta malatsi a le 14, mme kwa lefelong le le rileng e seng go feta malatsi a le 7, kwa ntle le fa go dumalanwe ka tsela e nngwe.
Tshedimosetso yotlhe e e tlametsweng mo sephiring mme e sa amane le diteng tsa borongwa tsa go batlana le dintlha bo tla tsholwa mo theong ya sephiri.
Borongwa ba go batlana le dintlha bo tla begela, ka Mokwaledi Kakaretso wa
Ditšhaba Kopano, kwa Kopanong ya Mekgatlho ya Dinaga kana Kopano e e
Kgethegileng ya Mekgatlho ya Dinaga dipoelo tsa diphitlhelelo tsa teng.
Kopano ya Mekgatlho ya Dinaga kana Kopano e e Kgethegileng, ya Mokgatlho ya Dinaga e tla sekaseka tshedimosetso yotlhe e e maleba, go tsenyelediwa pegelo e e tlisitsweng ka borongwa ba go batlana le dintlha, mme ba ka kopa Mokgatlho wa Naga o o kopilweng go tsaya dikgato go lebelela morero o o tsamaelang lobakeng lwa nako lo lo tlhalositsweng. Mokgatlho wa Naga o o kopilweng o tla begela ka dikgato tsotlhe tse di tserweng mo karabong ya kopo e.
Kopano ya Mekgatlho ya Dinaga kana Kopano e e Kgethegileng ya Mekgatlho ya
Dinaga e ka tshisinya kwa Mekgatlhong ya Dinaga ditsela tse di amegang le ditsela go tswelela go tlhalosa kana go rarabolola morero o o sekasekilweng, go tsenyelediwa tshimololo ya ditsamaiso tse di maleba go dumalana le molao wa boditšhabatšhaba. Mo mabakeng a foo morero o o fa isong o o tlhomamisiwang go nna go ya ka mabaka ka kwa ntle ga taolo ya Mokgatlho wa Naga o o kopilweng, Kopano ya Mekgatlho ya Dinaga
Kopanong e e Kgethegileng ya Mekgatlho ya Dinaga e ka tshisinya dikelo tse di maleba, tsenylediwa tiriso ya dikgato tsa tirisanommogo e e boletsweng mo Athikeleng 6.
Kopano ya Mekgatlho ya Dinaga kana Kopano e e Kgethegileng ya Mekgatlho ya
Dinaga e tla tsaya matsapa go fitlhelela ditshwetso tsa teng tse di boletsweng mo ditemaneng 18 le 19 ka tumalano, e seng jalo ka pedi tharong ya bontsi ba Mekgatlho ya
Dinaga tse di leng teng tse di boutang.
Athikele 9
Dikgato tsa iragatso ya bosetšhaba
Mokgatlho wa Naga mongwe le mongwe o tla tsaya dikgato tdotlhe tse di maleba tsa semolao, tsamaiso le dikgato tse dingwe, go tsenyelediwa thweso morwalo ya kotlhao ya tumalano, go thibela le go gatelela tiro e nngwe le e nngwe e e ilediwang ke Mokgatlho wa Naga ka fa tlase ga Tumalano e e dirwang ke batho kana mo nageng ka fa tlase ga taolelo kana taolo ya teng.
Athikele 10
Tumalano ya dingangisano
Mekgatlho ya Dinaga e tla buisana le go dirisana le yo mongwe go siamisa dingangisano tse dingwe le dingwe tse di ka tsogang malebana le tiragatso kana thanolo ya Tumalano e. Mokgatlho wa Naga mongwe le mongwe o ka tlisa ngangisano nngwe le nngwe e e jalo pele ga Kopano ya Mekgatlho ya Dinaga.
Kopano ya Mekgatlho ya Dinaga e ka nna le seabe mo tshiamisong ya ngangisano ka mokgwa ofe o o bonwang o le maleba, go tsenyelediwa go neelana ka diofisi tse di siameng, go biletsa Mekgatlho ya Dinaga kwa ngangisanong go simolola ka tsamaiso ya tumalano ya tlhopho ya bona le go atlanegisa tekanyetso ya nako ya tsamaiso nngwe le nngwe e e dumalanweng.
Athikele e e kwa ntle ga kgobelelo mo ditshiamelong tsa Tumalano mo tsamaisong le tlhalosong ya tsamaelano.
Athikele 11
Dikopano tsa Mekgatlho ya Dinaga
Mekgatlho ya Dinaga e tla kopana kgabetsa gore go sekasekiwe morero ofe kana ofe malebana le tiriso kana tiragatso ya Tumalano e, go tsenelediwa :
a Tiro le maemo a Tumalano e;
b Merero e e tewang mo dipegelong tse di tlisitsweng ka fa tlase ga ditshiamelo tsa
Tumalano e;
c Tirisanommogo le thuso ya boditšhabatšhaba go ya ka Athikele 6;
d Tlhabololo ya dithekenoloji go siamisa dibomo tse di ripitlangt batho;
e Dithomelo tsa Mekgatlho ya Dinaga ka fa tlase ga Athikele 8; le f Ditshwetso tse di amanang le ditliso tsa Mekgatlho ya Dinaga jaaka go tlameletswe mo Athikeleng 5.
Kopano ya Ntlha ya Mekgatlho ya Dinaga e tla bidiwa ke Mokwaledi Kakaretso wa Ditšhaba Kopano mo ngwageng o le mongwe morago ga tseno mo tirisong ya
Tumalano e. Dikopano tse di latelang di tla bidiwa ke Mokwaledi Kakaretso wa Ditšhaba
Kopano ka ngwaga go fitlha Khonferense ya ntlha ya Thadiso.
Ka fa tlase ga maemo a a beilweng mo Athikeleng 8, Mokwaledi Kakaretso wa
Ditšhaba Kopano o tla bitsa Kopano e e Kgethegileng ya Mekgatlho ya Dinaga.
Dinaga e seng mekgatlho kwa Tumalanong e, mmogo le Ditšhaba Kopano, mekgatlho e mengwe e e maleba ya boditšhabatšhaba kana ditheo, mekgatlho ya dikgaolo, Komiti ya Boditšhabatšhaba ya Sefapaano se se Hubedu le mekgatlho e mengwe e e maleba e e seng ya mmuso e ka lalediwa go tsenela dikopano tse jaaka babogedi go ya ka Melao e e dumalanweng ya Tsamaiso.
Athikele 12
Khonferense ya Thadiso
Khonferense ya Thadiso e tla bidiwa ke Mokwaledi Kakaretso wa Ditšhaba
Kopano dingwaga tse tlhano morago ga tseno mo tirisong ya Tumalano e. Dikhonferense tse dingwe tsa Thadiso di tla bidiwa ke Mokwaledi Kakaretso wa Ditšhaba Kopano fa go tlhokiwa ke a le mongwe kana go feta wa Mekgatlho ya Dinaga, fa fela boikhutso magareng ga Dikhonferense tsa Thadiso di ka se nne ka lebaka lefe kwa tlase ga dingwaga tse tlhano. Mekgatlho yotlhe ya Dinaga mo Tmalanong e e tla lalediwa kwa
Khonferenseng nngwe le nngwe ya Thadiso.
Maikaelelo a Khonferense ya Thadiso e tla nna:
a Go thadisa tiro le maemo a Tumalano e.
b Go sekaseka tlhokego ya le boikhutso magareng ga Dikopano tse dingwe tsa
Mekgatlho ya Dinaga e e boletsweng mo temaneng ya 2 ya Athikele 11.
c Go tsaya ditshwetso ka dithomelo tsa Mekgatlho ya Dinaga jaaka e tlameletswe mo Athikeleng 5; le d Go tsaya, fa go tlhokega, mo pegelong ya yona ya bokhutlo ya bofelo e e amanang le tiragatso ya Tumalano e.
Dinaga tse e seng mekgatlho kwa Tumalanong e, mmogo le Ditšhaba Kopano mekgatlho e mengwe e e maleba ya boditšhabatšhaba kana ditheo, mekgatlho ya dikgaolo, Komiti ya Boditšhabatšhaba ya Sefapaano se se Hubedu le mekgatlho e mengwe e e maleba e e seng ya mmuso e ka lalediwa go tsenela Khonferense ya Thadiso nngwe le nngwe jaaka babogedi go ya ka Melao e e dumalanweng ya Tsamaiso.
Athikele 13
Ditlhabololo
Ka nako nngwe le nngwe morago ga tseno mo tiragatsong ya Tumalano e,
Mokgatlho wa Naga mongwe le mongwe o ka tshisinya ditlhabololo mo Tumalanong e.
Tshisinyo efe kana efe ya tlhabololo e tla tlhaelediwa kwa Mmeletsing, yo o tla e tsamaisang kwa Mekgatlhong yotlhe ya Dinaga mme o tla batlana le ditshwaelo tsa yona mo go reng a Khonferense ya Tlhabololo e tshwanetse go bidiwa go sekaseka tshisinyo fa bontsi ba Mekgatlho ya Dinaga e itsise Mmeletsi e seng morago ga malatsi a le 30
morago ga tsamaiso ya teng gore e tshegetsa tshekatsheko ya tshisinyo, Mmeletsi o tla bitsa Khonferense ya Tlhabololo e kwa go yona Mekgatlho yotlhe ya Dinaga e tla lalediwang.
Dinaga tse e seng mekgatlho ya Tumalano e, mmogo le Ditšhaba Kopano, mekgatlho e mengwe e e maleba ya boditšhabatšhaba kana ditheo, mekgatlho ya dikgaolo, Komiti ya Boditšhabatšhaba ya Sefapaano se se Hubedu le mekgatlho e mengwe e e maleba e e seng ya mmuso e ka lalediwa go tsenela Khonferense nngwe le nngwe ya Mametlelelo jaaka babogedi go ya ka Melawana e e dumalanweng ya Tsamaiso.
Khonferense ya Tlhabololo e tla tshwarwa ka bonako go latela Kopano ya
Mekgatlho ya Dinaga kana Khonferense ya Thadiso kwa ntle le fa bontsi ba Mekgatlho ya Dinaga di kopa gore e tshwarwe e sale gale.
Tlhabololo nngwe le nngwe mo Tumalanong e e tla tsewa ke bontsi ba pedi tharong ya Mekgatlho ya Dinaga tse di leng teng le go bouta kwa Khonferenseng ya Tlhabololo. Mmeletsi o tla tlhaeletsana tlhabololo efe kana efe e e tserweng kwa Mekgatlhong ya Dinaga.
Tlhabololo mo Tumalanong e tla tsena mo tirisong mo Mekgatlhong yotlhe ya
Dinaga mo Tumalanong e tse di e eamogetseng, mo peeletsong le Mmeeletsi wa didirisiwa tsa kamogelo ka bontsi ba Mekgatlho ya Dinaga. Morago ga foo e tla tsena mo tirisong
Mokgatlho wa Naga ofe kana ofe o o setseng ka letlha la peeltso ya sedirisiwa sa teng sa kamogelo.
Athikele 14
Ditshenyegelo
Ditshenyegelo tsa Dikopano tsa Mekgatlho ya Dinaga, Dikopano tse di
Kgethegileng tsa Mekgatlho ya Dinaga, Dikhonferense tsa Thadiso le Dikhonferense tsa
Tlhabololo di tla rwalwa ke Mekgatlho ya Dinaga le Dinaga e seng mekgatlho mo
Tumalanong e e tsayang karolo, go ya ka sekale sa Dinaga tse di Kopaneng se tlhatlhoba se se lekanyeditsweng sentle..
Ditshenyegelo tse di bonweng ke Mokwaledi Kakaretso wa Ditšhaba Kopano ka fa tlase ga Athikele 7 le 8 le ditshenyegelo dingwe le dingwe tsa borongwa ba go batlana le dintlha di tla rwalwa ke Mekgatlho ya Dinaga go ya ka sekale sa tlhatlhobo sa
Ditšhaba Kopano se se lekanyeditsweng sentle.
Athikele 15
Tshaeno
Tumalano e, e e dirilweng kwa Oslo, Norway ka di 18 Lwetse 1997, e tla bulelwa ditshaeno kwa Ottawa, Canada, ka Dinaga tsotlhe go tloga di 3 Sedimonthole 1997 le kwa Dikotaseng tse dikgolo tsa Ditšhaba Kopano kwa New York go tloga di 5
Sedimonthole 1997 go fitlha go tsena ga yona mo tirisong.
Athikele 16
Tshiamiso, kamogelo, thebolo le phitlhelelo
Tumalano e ikaegile ka tshiamiso, kamogelo le thebolo ya Ditshaeno.
E tla bulelwa phitlhelelo ke Naga efe kana efe e e sa saenang Tumalano.
Didirisiwa tsa tshiamiso, kamogelo, thebolo le phitlhelelo di tla beelediwa le
Mmeeletsi.
Athikele 17
Go tsena mo tirisong
Tumalano e a tsena mo tirisong ka letsatsi la ntlha la kgwedi ya borataro morago ga kgwedi e mo go yona sedirisiwa sa bo 40 sa tshiamiso, kamogelo, thebolo kana phitlheleloe e beeleditsweng.
Mo Nageng ngwe le nngwe e e tsayang sedirisiwa sa yona sa tshiamiso, kamogelo, thebolo le phitlhelelo, Tumalano e e tla tsena mo tirisong ka letsatsi la ntlha la kgwedi ya borataro morago ga letlha le mo go lona Naga e beileng sedirisiwa sa yona sa tshiaimiso, kamogelo, thebolo kana phitlhelelo.
Athikele 18
Kopo ya nakwana
Naga nngwe le nngwe ka nako ya tshiamiso, ya kamogelo, thebolo kana phitlhelelo ya yona, e kaya gore e tla dirisa temana 1 ya Athikele 1 nakwana ya Tumalano e e ikaegileng ka go tsena ga yona mo tirisong.
Athikele 19
Dipeeletso
Diathikele tsa Tumalano e ga di ne di ikaega ka dipeeletso.
Athikele 20
Nako le kgogelomorago
Tumalano e e tla nna ya nako e e sa lekanyediwang.
Mokgatlho wa Naga mongwe le mongwe o tla, mo go direng boikemelo ba setšhaba, o na le tshwanelo go ikgogela morago go tswa Tumalanong e, o tla neela kitsiso ya ikgogelomorago e e jalo kwa Mekgatlhong yotlhe e mengwe ya Dinaga, kwa
Mmeeletsing le kwa Lekgotleng la Tshireletso ya Ditšhaba tse di Kopaneng. Sedirisiwa se se jalo sa ikgogelomorago se tla tsenyeletsa tlhaloso e e tletseng ya mabaka a a tshegetsang kgogelomorago e.
Ikgogelomorago e e jalo e diragala fela dikgwedi tse thataro morago ga kamogelo ya sedirisiwa sa kgogelomoragp ka Mmeeletsi. Ka gale, fa ka nako ya go feta ya dikgwedi tse thataro, Mokgatlho wa Naga, o oikgogelang morago o amegile mo thulanong ya dibetsa kgogelomorago ga e ne e diragala pele ga bofelo ba thulano ya dibetsa.
Kgogelomorago ya Mokgatlho wa Naga go tswa Tumalanong e, ga e ne ka tsela epe e ama tiro ya Dinaga go tswelela go diragatsa maikaelelo a a akantsweng ka fa tlase ga melawana efe e e maleba ya molao wa boditšhaba.
Athikele 21
Mmeeletsi
Mokwaledi Kakaretso wa Dinaga Kopano o tlhomiwa fano jaaka Mmeeletsi wa
Tumalano.
Athikele 22
Tshimologo ya Tumalano e, e ka yona dithekese tsa Maarabia, Matšhaena, Maesimane,
Mafora, Marašia le Masepeniše e leng tsa nnete ka go lekana, di tla beelediwa le
Mokwaledi Kakaretso wa Ditšhaba Kopano.
